Tiragatso Ya Itlhagiso Ya Setlhare Se Se Okeditsweng Ka Kgetsi Mo Bothateng Jwa Popo Ya Metato Ya Dipeipi Tsa Oli

  • LT Baitshenyetsi
  • JM Hattingh
  • HA Kruger

Abstract

Go na le mathata a mantsi a ditshwetso tsa tiriso tse di welang mo mathateng a a mo setlhopheng sa kelelo ya kgokagano le palo e kgolo ya dikai tsa tiragatso tse di ka bonwang mo dikgaolong jaaka tsa neeletsanyokgakala, thwalo, boenjineri, saense ya dikhomphutara jalo le jalo. Mo pampiring e, kgonagalo ya go tlhagisa mmotlele wa kelelo ya kgokagano o o leng mmotlele wa kgokagano ya setlhare mme morago re e rarabolole ka go dirisa itlhagiso ya setlhare se se okeditsweng ka kgetsi ka go e batlisisa. Go bapisa le go tlhwatlhwafatsa thekeniki e e tlhagisiwang, thuto ya nnete e e totobetseng e e dirilweng (bothata jwa popo ya motato wa dipeipi tsa oli) e tlhophilwe go tswa mo dikwalong gore e dirisiwe go nna motheo wa porojeke e ya patlisiso. Ka go latela pono ya bothata jwa popo ya metato ya dipeipi, tlhabololo ya sekao sa setlhare se se okeditsweng ka kgetsi se tlaa tlhagisiwa. Tiragatso ya mokgwa o mo bothateng jwa popo ya metato ya dipeipi tsa oli e tlaa tlhagisiwa morago. Maduo a a bonwang a tlaa tlhagisiwa mme a bontsha gore go na le boleng jwa go ka dirisa itlhagiso ya setlhare se se okeditsweng ka kgetsi go ka rarabolola tse dingwe tsa mathata a kelelo ya dikgokagano.

Downloads

Download data is not yet available.
Published
2011-12-01
Section
Research Articles